LEFAPHA LA DITLHAELETSANO
SEBOPEGO LE DITIRO TSA LONA
Go tlhoma Aforika Borwa mo Mmepeng wa Lefatshe
Lefapha la Ditlhaeletsano ke eng (DoC) ?
Lefapha la Ditlhaeletsano ke letsogo la ditirelo tsa bosetšhaba la Lefapha la Tona ya Ditlhaeletsano. Ke setheo se se tlhamang maitlhomo a maikaelelo a ditirelo tsa poso, tsa ditlhaeletsanokgakala le kgaso, tsa Aforika Borwa.
Mo nakong e e fetileng, Lefapha le ne le laola le go tsamaisa makala a makhubu, mmogo le go gakolola Tona mo mererong ya maitlhomo le batsamaisi. Ka go fetisa Molao wa Ditlhaeletsanokgakala, Molao wa Nomoro ya bo 103 wa 1996, ditiro tsa go laola le go tsamaisa makhubu di ne tsa sitlhollelwa mo Setheong sa Aforika Borwa sa go Laola Ditlhaeletsanokgakala (SATRA), se jaanong se itsegeng ka Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA); jo bo dirileng gore Lefapha jaanong le tsepame fela mo go tlhameng maitlhomo a maikaelelo.
Dikgwetlho
Go siamisa mabaka a a sa lolamang le go se lekalekane a go aba ditshiamelo tsa ditirelo tsa ditlhaeletsano ka ditshenyegelo tse di amogelesegang
Go dira gore Aforika Borwa a ipaakanyetse go tsaya tšhono ya go tlhagelela ga thekenoloji ya ditlhaeletsano mo makaleng a ditlhaeletsanokgakala, tirelo tsa kgaso, thekenoloji ya tshedimosetso le diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng.
Go oketsa bokgoni jwa badiri ba lekala la ditlhaeletsano
Go dira gore Aforika Borwa e kgone go lepalepana le kgaisano ya mafatshe a boditšhabatšhaba ka go nna motheo le thito ya tlhabololo ya diphasalatso tse di maphataphata, bogolo segolo ka go tlhomela ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng tebang le ditshiamelo le ditšhono.
Go tshwaela seabe mo maanong a ditlhaeletsano tsa Se-Aforika ka go thusa go tlhoma mokwatla o o tiileng wa tshedimosetso, o o tla netefatsang go tswelediwa pele ga ntšhwafatso ya Aforika.
Lemorago
Lefapha a Ditlhaeletsano (DoC), le dira mo maemong a a sokameng le a a sa lolamang ka ntlha ya mabaka a ditiragalo tsa histori ya nako e e fetileng a go aba ditirelo tsa poso, ditlhaeletsanokgakala le tsa kgaso. Mabaka a a na le tshwaelo e e sa siamang mo kgaisanong e Aforika Borwa e lebaganeng le yona, ka ntlha ya fa go tlhomiwa ga lekala la ditlhaeletsano go le botlhokwa mo tlhabololong ya naga tebang le ikonomi, loago le sepolotiki.
Maitlhomo a maikaelelo a a tlhabolotsweng sešwa jaana, a tla thusa Aforika Borwa go itlhoma sentle le ka tsepamo mo mererong ya boditšhabatšhaba. Ditiro tsa yona di tlhotlhelediwa ke tlhabololo e e bonako ya thekenoloji, e e thusitseng mo go ribologeng ga mafaratlhatlha a thekenoloji mo ditirelong tsa poso, ditlhaeletsanokgakala le tsa kgaso.
Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC), le tsamaisa ditheo di le supa mo boemong jwa Puso. Tsona ke Koporasi Kgaso ya Aforika Borwa (SABC), Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA), Sentech, Ofisi ya Aforika Borwa ya Ditirelo tsa Poso (Ltd), Telkom SA Ltd, Setheo sa Ditirelo tsa Kakaretso (USA), le Setheo sa Bosetšhaba sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Aforika Borwa (NEMISA).
DITIRO TSA LEFAPHA LA DITLHAELETSANO (DoC)
Le rwele boikarabelo jwa go tlhama melao ya makala a lona
Le rotloetsa le go supa mekgwa ya ditherisano tsa maitlhomo a maikaelelo
Le thusa ditheo tsa lona go obamela le go tsamaisana ditiro tsa go tlhama melao
Le dira dipatlisiso ka ga merero ya maitlhomo a maikaelelo le go tlhama maitlhomo ao
Le rulaganya ditekanyetso ka ditherisano le ditheo tse
Le ikgolaganya le go rerisana le dikomiti tsa Palamente ka ga merero ya Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Ditlhaeletsano
Le rwele boikarabelo jwa go emela dikgatlhegelo tsa Aforika Borwa ka botlalo mo mererong ya mafatshe a boditšhabatšhaba
Ditiro tsa Tona le Lefapha, mabapi le ditheo tse, di akaretsa go:
Tlhalosa maitlhomo a puso ka bophara
Tlhokomela boikarabelo jwa go obamela melao
Tlhama diboto tsa bakaedi
Amogela le go fetisa ditekanyetso, maano a thulaganyo ya merero ya kgwebo, seelo sa dituelelo tsa dilaesense fa go tlhokagalang teng
Tshikinyetsa ditekanyetso kwa Palamenteng
Dumelela go tshwagaranela tiro mmogo, go tshwaraganngwa le semphato
Ela tlhoko le go bona gore disela mmapa di lepalepana le melao
Le dira tiro ya go etelela pele dikgolagano le mafatshe a boditšhabatšhaba
MAKALA A KGWEBO LE KA FA A RULAGANTSWENG KA TENG
Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC) le na le makala a le mararo a kgwebo -
Lekala la Ditirelo tsa Poso
Lekala la Ditirelo tsa ditlhaeletsanokgakala, le
Lekala la Diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng
Lekala la Ditirelo tsa Poso
Tiro ya botlhokwa ya Lekala la Ditirelo tsa Poso ke go:
Dira dipatlisiso, go tlhabolola le go sedimosetsa setšhaba ka ga maitlhomo,
Lekanyetsa tshwaelo ya diphetogo tsa thekenoloji le mokgwa ya tsona mo kgwebong le mo maitlhomong a bosetšhaba
Tlhokomela dirwe (dishere) tsa puso kwa Ofising ya Poso, tse di akaretsang go lekanyetsa le go amogela maano a kgwebo ya Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, taolo le botsamaisi jwa dikgwebo tse dikgolo, le tlhabololo le go elatlhoko matshwao a a botlhokwa a mekgwa ya go dira.
Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, Ltd
Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa e reboletswe boikarabelo jo bo kgethegileng e le nosi jwa go tsamaisa ditirelo tsa poso mo nageng e, ka Molao wa Ditirelo tsa Poso wa Nomoro ya bo 124, Molao wa 1998. Molao o mošwa o dira ditshiamelo tsa go laola ditirelo tsa poso le ditiro tsa setlamo sa diposo, go akarediwa le boikarabelo jwa tirelo e ka kakaretso. O dira gape le ditshiamelo tsa merero e e tsamaelanang le ditirelo tsa Banka ya Poso le tsamaiso ya Ditifikeiti tsa Sefalana sa Polokelo ya Bosetšhaba.
Boikarabelo jwa maikemisetso a botlhokwa a Ofisi ya Poso ke go:
Tokafatsa ya bokgoni jwa go romela diphuthelwana tsa poso le go rotloetsa boikanyego mo tirelong ya poso
Rulaganya sentle ka tshwanelo Ofisi ya Poso mo Aforika Borwa o Montšhwa
Rulaganya sentle ka tshwanelo Postbank go nna banka e e itlhophelwang ke Ma-Aforika Borwa a a sa kgoneng go fitlhelela Ditirelo tsa Merero ya Ditšhelete
Go rulaganngwa sešwa ga yona le maikaelelo a tlhabololo ke go:
Tlhoma ditshiamelo tsa diaterese le mafaratlhatlha a kgwebisano ka poso, bogolo segolo go ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng
Tlhabolola bokgoni jwa badiri
Rotloetsa tirelo ka kakaretso le go netefatsa gore baagi botlhe ba kgone go fitlhelela ditirelo tsa poso tse ba ka kgonang go di duelela
Bolaodi jwa Ditirelo tsa Poso
Bolaodi jwa Ditirelo tsa Poso bo tlhomilwe mo kgweding ya Ferikgong wa ngwaga wa 2000, go ya ka karolwana ya bo 3 ya Molao wa Ditirelo tsa Poso, Molao wa 1998, go laola lekala la ditirelo tsa poso. Ditirelo tsa jone tsa botlhokwa di akaretsa tse di latelang go:
Netefatsa go abela baagi botlhe ditirelo tsa Poso
Sekaseka seelo sa dituediso tsa poso le go netefatsa gore ga go karolo epe ya setšhaba e e duelelang dikgaolo tse di sa abelwang batho ba ba rileng go tswa mo go tse di beetsweng batho ba ba rileng kwa thoko
Netefatsa boleng jwa maemo le seriti sa diphuthelwana tse di romelwang
Rarabolola dikgotlang le mekgwa e e sa lolamang ya go dirisana le baagi
Sireletsa Badirisi
Lekala la Kgwebo ya Ditlhaeletsanokgakala
Lekala le le rwele boikarabelo jwa botsamaisi jwa dišere, dipatlisiso, go tlhabolola diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng le go tlhabolola maitlhomo a maikaelelo a a kgethegileng a ditlhaeletsanokgakala, go akarediwa le go mametlelela melao fa go tlhokagalang teng.
Le sekaseka le go rotloetsa go tlhabololwa ga kgwebo le maitlhomo a maikaelelo a go lepalepana le kgaisano ya bosetšhaba le ya boditšhabatšhaba. Lekala le gape le lekanyetsa diphetogo tsa thekenoloji mmogo le tshwaelo ya tsona mo tlhabololong ya kgwebo le maitlhomo a maikaelelo a bosetšhaba.
Lekala le tshwanetse go tshwaragana le dikgwetlho tse di latelang -
Boikarabelo jwa go tlhabolola ditlhaeletsanokgakala le go thiba diphatlha tse di leng teng ka ntlha ya go tlhaela ga tshedimosetso
Batlisisa ka botlalo seabe se se oketsegileng sa thekenoloji le go bona tharabololo e e tlhokegang ya mathata a a mabapi le tlhabololo
Maatlafatso ya setšhaba se se neng se ikgatholositswe mo nakong e e fetileng
Tsepama le go totobala mo go tsholetseng maemo a lefatshe le mo mererong ya boditšhabatšhaba le go a tshwaraganya le a ikonomi ya lefatshe ka bophara
Tiragatso ya thulaganyosešwa le tlhabololo ya maano a makala
Katoloso ya dikgwebisano tsa setšhaba/poraefete ka dipeeletso tsa mafaratlhatlha
Telkom e tlhomilwe mo kgweding ya Diphalane 1991 go ya ka Molao o o Mametleletsweng wa Ofisi ya Poso wa Nomoro ya bo 85, Molao wa 1991, o o arogantseng ditirelo tsa ditlhaeletsanokgakala go tswa mo ditirelong tsa poso. E abetswe tshono e e kgethegileng ya yona e le nosi ya go tsamaisa kgwebo ya ditirelo tsa ditlhaeletsanokgakala mo lefatsheng le.
Puso ya Aforika Borwa ke yona e tshotseng dirwe tse dintsi mo setheong se, fa e sena e rekisetsa setlamo se se theilweng ke Telekom Malaysia le SBC Communications, dirwe di le diperesente di le 30, mo ngwageng wa 1997. Telkom e abetswe dilaesense di le tharo tsa kgwebo ya ditlhaeletsanokgakala tsa bosetšhaba; ya go gasa makhubu a radio le ya mafaratlhatlha a tirelo ya mosola o o botlhokwa, tse ka tsona setheo se tshwanetseng go aba ditirelo tsa boleng jwa maemo a a kwa godimo ka bophara go baagi ba ba di tlhokang.
Ditirelo tse tsa botlhokwa di akaretsa mafaratlhatlha a tomaganyo ya megala e mentshwa, megala ya botlhe e mešwa e e duelelwang, megala e mešwa ya badirisi ba botlhokwa ba ba tshwanang le maokelo, dikolo, dipuso tsa selegae, metse; (metse ya batho ba ba magareng ga 100 le 1999 ba ba tlhokang mafaratlhatlha a tomaganyo ya megala), le go tsenya megala e mentshwa, (go tokafatsa maemo a megala e e seng ya sedijithale go nna ya dijithale)
Paka ya nako e e kgethegileng e e abetsweng Telkom e le nosi e fedile ka la 7 Motsheganong 2002, mme setheo se jaanong se tla lebagana le kgaisano mo ditirelong tsa megala e e tsenyetswang leruri. Taletso ya go kopa kgwebo ya go tsenya tirelo ya bobedi ya megala e e tlhometsweng leruri e golotswe mo tsamaong ya ngwaga wa 2002. Thulaganyo ya laesense e ntšhwa e eme ka mokgwa o o latelang:
% ya bagwebi ba boditšhabatšhaba
% ya Eskom le Transtel, tse bobedi ba tsona bo nang le
% ya ditlamo tsa maatlafatso ya bantsho
Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA)
Ka 1997 ke fa Setheo sa Ditlhaeletsano tsa Thelekhomunikheishene sa Aforika Borwa (SATRA), le Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditirelo tsa Kgaso (IBA) di tshwaragana go tlhoma Bothati jo bo Ikemetseng ka Nosi jwa Ditlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA).
Se, mo letlhakoreng je lengwe, se tlhodilwe ke go runya ga thekenoloji ya tshedimosetso, le ya ditlhaeletsano. ICASA, jaanong e rwele boikarabelo jwa go laola lekala lotlhe la ditlhaeletsano, le go netefatsa tirelo ya boleng jwa maemo a a kwa godimo le e e ka kgonwang ke mang le mang go tswela Ma-Aforika Borwa otlhe mosola.
Setheo sa Ditirelo tsa Kakaretso (USA)
USA, go tshwana le ICASA, e tlhomilwe go ya ka mabaka a Karolwana ya bo 58 ya Molao wa Ditlhaeletsanokgakala, Molao wa 1996. Seabe sa yona se segolo ke go rotloetsa kabo ya ditirelo ka kakaretso le go fitlhelela thekenoloji ya ditlhaeletsano le ditirelo ga Ma-Aforika Borwa otlhe, go batlisisa le go tshikhinya mekgwa ya go fitlhelela maikaelelo a. Go ya pele, setheo se rwesitswe boikarabelo jwa go rotloetsa le go supa tsela ya go lekanyetsa, go elatlhoko le go diragatsa phitlhelelo ya dikema tsa ditirelo ka kakaretso. Fela jaaka ICASA, USA e ikarabela go Tona ya Ditlhaeletsano.
Mo godimo ga se, USA e amega gape mo go tlhameng Tshedimosetso ya Baagi le Ditikwatikwe tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano, tse di tlwaelegileng ka go bidiwa ditikwatikwe tsa ditlhaeletsano tsa kwa kgakala. Ditikwatikwe tse di aba ditirelo tse di farologaneng tsa Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Ditlhaeletsano (ICT), go tswa mo megaleng ya thelefomo le difekese, mafaratlhatlha a Inthanete le ditirelo tse dingwe tsa botlhokwa ka ditlhwatlhwa tse di ka kgonwang ke mang le mang.
Lekala la Diphasalatso tsa Mefuta e e Farologaneng
Lekala la Diphasalatso tsa Mefuta e e Farologaneng le rwele boikarabelo jwa go tlhama maemo a a siametseng ditlhokego tsa baagi ba Aforika Borwa tsa diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng ka nepagalo ka go tlhama maitlhomo a maikaelelo, go ema nokeng kabo ya ditirelo le botsamaisi jo bo bokgoni jwa metswedi e ya ditirelo.
Ga jaana Lekala le tshwaragane le go tlhama maitlhomo a maikaelelo ka ga merero e e farologaneng go tswa mo metsweding ya diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng, kgaso ya sedijithale, maitlhomo a maikaelelo a diphasalatso tsa bana, le maitlhomo a maikaelelo a digole, maitlhomo a maikaelelo a kgaso ya Diteng tsa Aforika Borwa le maitlhomo a maikaelelo a diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki tsa ditlhopha tsa baagi.
Ditshiamelo tsa go aba ditirelo di akaretsa diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng tsa se-eleketeroniki tsa baagi tse di tshwanang le go tlhama mafaratlhatlha a radio ya selegae, thelebishene ya selegae, mafaratlhatlha a dikgang tse di phasaladiwang ka wepe/sathalaete, le a mananeo, go gatisa mananeo, go tlhabolola bokgoni le boitseanape; tirelo ya java planet, mafaratlhatlha a internete le ICT, mo thutong, kanala ya Thelebishene e e tlhametsweng fela merero ya Palamente, mafaratlhatlha a laborotoriamo ya Wepe ya Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC), le porojeke ya mafaratlhatlha a Dotza.
Koporasi ya Kgaso ya Aforika Borwa (SABC)
Go ya ka mabaka a Molao wa Kgaso wa Nomoro ya bo 4, Molao wa 1999, SABC e tla aroganngwa dikarolo di le pedi, Tirelo ya Kgaso ya Botlhe le Tirelo ya Kgaso ya Bogwebi. Ditiro tsa SABC di tshwanetse go tsamaelana le ditaelo tsa batshola dišere mme maano a ditiro tsa yona a tsamaelane le ditlhokego tsa botlhokwa go natlafatsa botsamaisi jwa koporasi.
Channel Africa, e ga jaana e dirang e le setheo sa boditšhabatšhaba ka fa tlase ga SABC, e tla fetolwa go nna koporasi gore e tle e dire e le Tirelo ya Kgaso ya Kontinente. Go ikaeletswe gore tirelo e ntšhwa e, e tla tshwaragana le semphato se sentshwa le ditirelo tse dingwe tsa kgaso tsa Aforika, mme go feta foo, e nne tirelo ya Aforika ka Bophara go aba ditirelo tsa Radio, TV le tsa Mefuta e e Farologaneng.
Koporasi Kgaso ya Bop le yona e rulaganngwa seshwa go oketsa mosola wa yona, go tlhatlosa dipeeletso mo lakaleng le, le go netefatsa dipharologano tsa ditirelo tsa kgaso.
Sentech ke setheo se segolo sa go romela makhubu a kgaso mo Aforika, mme se dira ka laesense ya "Mefuta ya makhubu a a tshwanang" le go romela makhubu mo lekaleng la kgaso. Setlamo se, se ntse se dira ka mokgwa wa makhubu a a elelang fela, a a kgontshang go phasalatsa diteng tsa diphasalatso tse dingwe tsa mefuta e e farologaneng. Go ya ka mabaka a Mametlelelo ya Molao wa Telecomms wa 2001, setlamo se, se reboletswe laesense ya moela wa go rwala makhubu a boditšhabatšhaba.
Setheo sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (NEMISA)
Setheo sa Diphasalatso tsa Se-Eleketeroniki sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (NEMISA), se tlhomilwe ke Lefapha la Ditlhaeletsano go aba katiso ya maemo a a kwa godimo mo madirelong a kgaso. Taolelo ya yona ke go katisa barutegi ba didikerii ba ba nang le bokgoni jo bo tseneletseng, ba e tla nnang bona bomankge mo makaleng a diphasalatso tsa mefuta e e farologaneng le lekala la kgaso. Bontsi jwa baithuti jwa sona bo tlhophilwe go tswa mo ditlhopheng tse di neng di lomeleditswe mo nakong e e fetileng, sekai; basadi le bahumanegi ba kwa dikgaolong tsa magae. Manaanethuto a a farologaneng a a rutiwang ke setheo se, a rulagantswe go tlamela baithuti gore ba kgone go lepalepana le ditlhokego tsa mebaraka le go ka tsamaisa tirelo nngwe le nngwe ya kgaso e ba ka itlhophelang go dira mo go yona.
Lefapha la Ditlhaeletsano
Mogala: +27 472 8000 - Fekese: +27 427 8026
